Publicidade

Marcos 10

4 Ba araba ba re, "O rile e siame." O rile, "Se se tlhokafalang ke gore monna a kwalele mosadi lokwalo lwa tlhalo."

5 Jesu a ba botsa a re, "Mme o ne a buelang jalo? Ke tla lo bolelela gore ke ka ntlha yang fa a ne a bua jalo. Ke ka ntlha ya boikepo jwa bopeloethata jwa lona. 6,7 Mme tota ga se ka fa tseleng ya Modimo, gonne e rile mo tshimologong O dirile monna le mosadi go ba kopanya go nnela ruri mo nyalong; ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, 8 mme ene le mosadi wa gagwe ba kopane gore ba se nne bobedi, fa e se bongwe fela. 9 Mme ke gone go seng ope yo o tshwanetseng go kgaoganya se Modimo o se kopantseng."

Veja também

Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-07-05_19-25-13-