46 Mme ba fitlha kwa Jeriko. Ya re morago fa ba tloga mo motseng bontsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago. Hong ga diragala gore monna wa sefofu wa mokopi yo o bidiwang Baratimaio (morwa Timaio) a ba a ntse fa thoko ga tsela fa Jesu a feta.
47 Mme e rile fa Baratimaio a utlwa gore Jesu wa Nasaretha o gaufi a simolola go goa, a re, "Jesu Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!"
48 Mme batho bangwe ba mo kgalemela ba re, "Didimala!" Mme a goa segolo bogolo gangwe le gape a re, "Ao! Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!" 49 Erile Jesu a mo utlwa a ema foo mo tseleng, mme a re, "Mo reyeng lo re a tle kwano." Hong ba bitsa monna wa sefofu. Ba re, "Heela wena yo o letlhogonolo, tla Jesu o a go bitsa."
50 Hong Baratimaio a apola seaparo sa gagwe se segologolo a se latlhela kwa thoko, a tlola a tla kwa go Jesu.
51 Jesu a mmotsa a re, "O batla ke go direla eng?" Monna wa sefofu a araba a re, "Moruti, ke batla go bona."
52 Jesu a mo raya a re, "Gotlhe go siame, go diragetse. Tumelo ya gago e go fodisitse." E rile gone fela foo monna wa sefofu a bona, a sala Jesu morago mo tseleng!