Jesu o tsena mo Jerusalema
1 Mme erile ba atamela Bethefage le Bethania ntlheng ya Jerusalema ba tla mo thoteng ya Lotlhware, Jesu a romela barutwa ba gagwe ba babedi kwa pele.
2 A ba raya a re, "Yang mo motsing ole, mme e tlaa re fela fa lo tsena lo tlaa bona tonkana e golegilwe e e iseng e ke e palangwe, e gololeng lo e lere kwano. 3 Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena wa rona o a e batla mme o tlaa e busa ka bonako.’ "
4,5 Hong banna ba babedi bao ba tsamaya ba fitlhela tonkana eo?" 6 Hong ba bua se Jesu a se ba boleletseng mme batho ba ba letla.
7 Hong tonkana ya isiwa kwa go Jesu, barutwa ba baya diaparo mo mokwatleng wa yone gore Jesu a nne mo go tsone.
8 Hong ba le bantsi mo matshutitshuting ba ala diaparo tsa bone mo tseleng fa pele ga ga Jesu, fa ba bangwe ba latlhela dikala tsa ditlhare tse ba tswang go di rema kwa nageng.
9 O ne a le fa gare ga dipopelelo, go na le boidiidi kwa pele le kwa morago, ba goa ba re, "Tshela ka boleele Kgosi! Go sego yoo tlang ka leina la Morena! 10 Go sego bogosi jo o bo lereng, Bogosi jwa ga Dafide rraetsho! Modimo boloka kgosi!"
11 Mme hong a tsena mo Jerusalema a ya mo Tempeleng. Mme ya re a sena go leba dilo tsotlhe, ka kelotlhoko, a tswa a tsamaya, gonne go ne go setse go le maitseboa, a ya Bethania le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.