Jesu o futsa setlhare sa mofeige
12 E rile moso o o latelang fa ba tloga mo Bethania, a tshwarwa ke tlala. 13 Ya re kgakalanyana fa thoko ga tsela a bona setlhare sa mofeige se le matlhare a matala, hong a tsamaya a ya go bona gore a ga a kake a bona loungo mo go sone. Le fa go ntse jalo ga bo go se na sepe, e le matlhare fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa maungo.
14 Hong Jesu a raya setlhare a re, "Ga o kitla o tlhola o ungwa gape!" Mme barutwa ba mo utlwa fa a bua jalo.