20 Letsatsi le le latelang, fa barutwa ba feta fa setlharing sa mofeige se o se hutsitseng, ba bona gore se omeletse go simologa kwa meding! 21 Hong Petere a gakologelwa se Jesu a neng a se raya setlhare maabane, mme a re "Bona, Moruti! setlhare sa mofeige se o se hutsitseng se omeletse!" 22,23 Mo karabong ya gagwe, Jesu a raya barutwa a re, "Fa lo na le tumelo mo Modimong, boammaaruri jo e leng jone ke jo, lo ka raya thaba ya Lotlhware lwa re, ‘Manologa o wele mo teng ga lewatle’, mme taolo ya lona e tlaa diragala. Se se tlhokegang fela ke gore lo dumele lo sa belaele! 24 Ntheetsang! Lo ka rapelela le fa e le eng, mme fa lo dumela, lo tlaa se amogela! 25 Mme fa lo rapela, pele itshwareleng ba lo nang le melato le bone gore Rraeno yo o kwa legodimong a lo itshwarele dibe le lona."
Publicidade
Marcos 11
Nonofo ya tumelo
Veja também
Publicidade