25 Mme fa lo rapela, pele itshwareleng ba lo nang le melato le bone gore Rraeno yo o kwa legodimong a lo itshwarele dibe le lona."
Nonofo ya ga Jesu
26-28 Ka nako e ba bo ba gorogile mo Jerusalema gape, mme ya re a tsamaya mo felong ga Tempele, baperesiti ba bagolo le ba bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba tla kwa go ene ba mo raya ba re, "Go diragalang fano? Ke mang yo o go neileng nonofo ya go lelekela babapatsi kwa ntle?"