3 Mme ya re a sa ntse a rera, banna ba le bane, ba goroga ba tshotse monna yo o suleng mhama a le mo lepareng. 4 Mme ba palelwa ke go tsena kwa go Jesu ka ntlha ya bontsi jwa batho, hong ba rutlolola ntlo go lebagana le tlhogo ya gagwe, mme ba folosa molwetsi ka lepara, go lebagana sentle le fa pele ga ga Jesu.
5 Mme erile Jesu a bona kafa ba dumelang thata ka teng gore o tlaa thusa, Jesu a raya monna yo o lwalang a re, "Morwaaka, dibe tsa gago di itshwaretswe!"
6 Mme bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba ntse foo ba raana ba re, 7 "Gatweng? Se ke tlhapatso! A o gopola gore ke Modimo? Gonne ke Modimo fela o o ka itshwarelang dibe."
8 Mme Jesu ka a ne a itsile ditlhaloganyo tsa bone a ba raya a re, "Ke eng fa se se lo tshwenya? 9 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa? 10,11 Mme jalo ke tlaa lo supegetsa, gore Nna, motho yo o tswang legodimong, ke itshwaretse monna yo dibe." Hong a retologela kwa monneng yo o suleng mhama a re, "O fodisitswe. Tsaya lepara la gago o ye gae!"
12 Mme monna a nanoga, a tsaya lepara a ralala batho ba ba neng ba mo lebeletse!