Pular para o conteúdo
Publicidade

Mareko 4

37 Mme ya re ka bonako matsubutsubu a magolo a phefo a tsoga. Makhubu a metse a simolola go tlolela mo mokorong go fitlhelela metse a tlala mo mokorong ebile o tloga o nwela.

38 Jesu o ne a robetse kwa motsheo ga mokoro a samile mosamo. Mme ka bonako ba mo tsosa ka letshogo le legolo ba re, "Moruti, a ga o tshwenyege le fa re tloga re nwela rotlhe?"

39 Hong a kgalemela phefo a raya lewatle a re, "Didimala!" Mme phefo ya didimala, ga ba ga nna tuulalo e kgolo!

40 Mme a ba botsa a re, "Lo ne lo tshositswe ke eng? A le jaana ga lo ise lo bo lo inkanye?"

41 Mme ba tlala poifo thata ba ipotsa ba re, "Monna yo ke mang, yo diphefo le mawatle di mo utlwang?"

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.

Veja também