1,2 Mme erile fa ba goroga ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha monna mongwe yo o tsenyweng ke mewa e e maswe a betsega mo diphupung, fa Jesu a fologa mo mokorong.
3,4 Monna yo o ne a nna mo diphupung, a nonofile mo e leng gore le fa a ne a golegilwe jaaka a ne a tle a dirwe o ne a tle a kgaole dikeetane mo mabogong a gagwe a tsamae. Go ne go se ope yo o mo kgonang. 5 Motshegare otlhe le mo bosigong o ne a lala a tsamaya mo diphupung le mo dithabeng, a goa a itshegaka ka maje a a bogale.
6 Mme e rile Jesu a sa le kgakala kwa ntle mo metsing, monna yo a bo a setse a mmone, a taboga a mo kgatlhantsha, a ba a wela fa pele ga gagwe.
7,8 Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, "Tswa, wena mowa o o maswe." Mme wa goela kwa godimo wa re, "O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa."
9 Mme Jesu a botsa moya o o maswe a re, "Leina la gago ke mang?" moya o o maswe wa re, "Mophato, gonne re bantsi thata mo mothong yo."
10 Hong mewa e e maswe ya mo rapela gangwe le gape gore a se ka a e romela kwa lefatshing le le kgakala. 11 Mme ga bo go le serapa sa dikolobe se hula fa mhapheng wa thaba ntlheng ya lecha. 12 "Mewa e e maswe ya mo rapela ya re, re romele mo serapeng sele sa dikolobe."
13 Mme Jesu a e letla. Hong mewa e e maswe ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo mhapheng wa thaba sa thabuela mo lecheng sa betwa ke metse. 14 Mme badisa ba siela mo metseng e e gaufi le mo tikologong ya lefatshe leo ba anamisa dikgang fa ba ntse ba taboga mme mongwe le mongwe a ya go iponela.