Jesu o tsosa morweetsana mo losong
21 Mme e rile fa Jesu a sena go kgabaganyetsa ka kwa ntlhenge nngwe ya lecha ka mokoro, batho ba le bantsi ba phuthaganela kwa go ene fa lotshitshing.
22 Mme moeteledipele wa tempele, yo o neng a bidiwa Jairo, a tla a wela fa pele ga gagwe, 23 a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, "O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele."
24 Hong Jesu a tsamaya nae, mme bontsi jwa batho jwa mo sala morago. 25 Mo bontsintsing joo go ne go na le mosadi yo o saleng a lwala tshologo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi. 26 Mme o ne a sa bolo go tshwenyega thata mo dingakeng di le dintsi ka dingwaga e bile a humanegisitswe ke go di duela, mme go ne go sa tokafale ka gope, go ntse go tswelela pele. 27 Mme o ne a setse a utlwile dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng, ke gone ka moo o ileng a tla kafa morago ga gagwe mo bontsintsing jwa batho a ama diaparo tsa gagwe.
28 Gonne o ne a gopotse ka boene gore, "Fa ke ka ama diaparo tsa gagwe, ke tlaa fola." 29 Mme ka boammaaruri, erile fela fa a sena go mo ama, go tshologa ga madi ga khutla, mme a itse gore o fodile.
30 Hong Jesu a lemoga ka bonako gore nonofo ya phodiso e dule mo go ene, a retologela kwa bontsintsing jwa batho a ba botsa a re, "Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?"
31 Barutwa ba mo raya ba re, "Bontsintsi jwa batho bo go pitlaganyeditse, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng."
32 Mme a bo a ntse a batlisisa go bona gore ke mang yo o dirileng selo seo. 33 Hong mosadi yo o tshogileng, a roromisiwa ke letshogo ka se se mo diragaletseng, a tla a wela fa dinaung tsa gagwe a mmolelela se a se dirileng. 34 Mme Jesu a mo raya a re, "Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fodile mo bolwetsing jwa gago."
35 Erile fa a sa ntse a bua le ene, barongwa ba goroga ba tswa kwa legaeng la ga Jairo, ka mafoko a a reng morwadio o sule, jalo ga go tlhole go tlhokega gore Jesu a tle. 36 Mme Jesu a tlhokomologa puo ya bone a raya Jairo a re, "Se boife! Ikanye nna."
37 Hong Jesu a kganela bontsintsi jwa batho, mme a se ka a letla ope go tsena nae mo legaeng la ga Jairo, fa e se Petere le Jakobe le Johane. 38 Mme erile fa ba goroga, Jesu a bona gore dilo tsotlhe di tlhakatlhakanye, go le selelo se segolo le kuruetso. 39 A tsena mo teng a bua le batho, a ba botsa gore, "Ke ka ntlha yang fa go le selelo se se kanakana? Ngwana ga a swa o robetse fela!"
40 Ba mo tshega ka tshotlo, mme a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a tsaya rraa-ngwana le mma-ngwana le barutwa ba gagwe ba le bararo, a tsena mo ntlung e ngwana o neng a beilwe mo go yone.
41,42 A mo tshwara ka seatla a mo raya a re, "Tsoga mosetsana!" (O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi). Mme a nanoga a tsamaya! Batsadi ba gagwe ba gakgamala thata. 43 Jesu a ba laela ka tlhoafalo gore ba se ka ba bolelela ope se se diragetseng, mme a ba raya a re ba nee ngwana sengwe a je.