25 Mo bontsintsing joo go ne go na le mosadi yo o saleng a lwala tshologo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi. 26 Mme o ne a sa bolo go tshwenyega thata mo dingakeng di le dintsi ka dingwaga e bile a humanegisitswe ke go di duela, mme go ne go sa tokafale ka gope, go ntse go tswelela pele. 27 Mme o ne a setse a utlwile dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng, ke gone ka moo o ileng a tla kafa morago ga gagwe mo bontsintsing jwa batho a ama diaparo tsa gagwe.
28 Gonne o ne a gopotse ka boene gore, "Fa ke ka ama diaparo tsa gagwe, ke tlaa fola." 29 Mme ka boammaaruri, erile fela fa a sena go mo ama, go tshologa ga madi ga khutla, mme a itse gore o fodile.
30 Hong Jesu a lemoga ka bonako gore nonofo ya phodiso e dule mo go ene, a retologela kwa bontsintsing jwa batho a ba botsa a re, "Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?"
31 Barutwa ba mo raya ba re, "Bontsintsi jwa batho bo go pitlaganyeditse, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng."
32 Mme a bo a ntse a batlisisa go bona gore ke mang yo o dirileng selo seo. 33 Hong mosadi yo o tshogileng, a roromisiwa ke letshogo ka se se mo diragaletseng, a tla a wela fa dinaung tsa gagwe a mmolelela se a se dirileng. 34 Mme Jesu a mo raya a re, "Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fodile mo bolwetsing jwa gago."