Publicidade

Marcos 5

38 Mme erile fa ba goroga, Jesu a bona gore dilo tsotlhe di tlhakatlhakanye, go le selelo se segolo le kuruetso. 39 A tsena mo teng a bua le batho, a ba botsa gore, "Ke ka ntlha yang fa go le selelo se se kanakana? Ngwana ga a swa o robetse fela!"

40 Ba mo tshega ka tshotlo, mme a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a tsaya rraa-ngwana le mma-ngwana le barutwa ba gagwe ba le bararo, a tsena mo ntlung e ngwana o neng a beilwe mo go yone.

41,42 A mo tshwara ka seatla a mo raya a re, "Tsoga mosetsana!" (O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi). Mme a nanoga a tsamaya! Batsadi ba gagwe ba gakgamala thata.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-