Pular para o conteúdo
Publicidade

Marcos 6

22,23 Hong ngwana wa mosetsana wa ga Herodiase a tla a bina fa pele ga bone ka botswerere a ba itumedisa fela botlhe. Kgosi ya mo raya ya re, "Nkopa sengwe se o se ratang," "Le fa e le bontlha jwa bogosi jwa me, mme ke tla bo go naya!"

24 Mme a tsamaya a ya go itsise mmaagwe, yo o neng a mo raya a re, "Lopa tlhogo ya ga Johone wa Mokolobetsi!"

25 Hong a boela kwa morago kwa kgosing a ya go e bolelela, a re, "Ke batla tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogopong."

26 Mme kgosi ya hutsahala thata, ya tlhajwa ke ditlhong go roba maikano a yone fa pele ga baeng ba yone. 27 Hong a roma mongwe wa batlhokomedi ba gagwe kwa kgolegelong go ya go kgaola tlhogo ya ga Johane le go e lere kwa go ene. Mme lesole la ya go bolaya Johane mo kgolegelong, 28 a tla ka tlhogo ya ga Johane e le mo mogopong, a e naya mosetsana, mosetsana ene a ya go e naya mmaagwe.

Veja também