Pular para o conteúdo
Publicidade

Marcos 6

30 Mme baaposetoloi ba boela kwa go Jesu ba tswa loetong lwa bone ba mmolelela gotlhe mo ba go dirileng le mo ba go buileng le batho ba ba neng ba ba etela.

Jesu o fepa ba ba dikete tse tlhano

31 Hong Jesu a ba raya a re, "A re tsweng mo bontsing jwa batho ka lobakanyana re yeng go itapolosa." Gonne go ne go na le batho ba le bantsi ba ba tlang le ba ba tsamayang ba sena nako le ya go ja tota. 32 Mme ba tsamaya ka mokoro ba ya fa lefelong le le tuuletseng. 33 Mme batho ba le bantsi ba ba bona ba tsamaya mme ba tabogela kwa pele ba le mo lotshitshing ba ba kgatlhantsha fa ba tswa mo mokorong. 34 Fela jaaka gale, bontsi jwa batho jwa bo bo le teng fa a tswa mo mokorong; mme a ba tlhomogela pelo ka ntlha ya gore ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa a ba ruta dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di itse.

35,36 Mme morago ga tshokologo ya letsatsi barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, "Bolelela batho gore ba tsamaye ba ye kwa metsing e e gaufi le masimo ba ye go itshenkela dijo, gonne ga go na sepe se se ka jewang mo thoteng e, gape go nna bosigo."

37 Hong Jesu a re, "Ba fepeng." Mme ba botsa ba re, "Ka eng? Go tlaa lopa madi a le mantsi go reka dijo tsa bontsi jo bo kana!"

38 Mme a ba botsa a re, "Re na le dijo di le kana kang? Tsamayang lo yeng go bona." Mme ba tla gape go tla go mmolelela gore go na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi. 39,40 Hong Jesu a bolelela bontsi jwa batho gore ba nne fa fatshe, mme ka bonako ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa masome a matlhano kgotsa lekgolo mme botlhe ba bo ba ntse mo bojannyeng jo botala.

41 Hong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa legodimong, a lebogela dijo tseo. A ngathoganya dinkgwe go nna dikapetlana, a neela barutwa ba gagwe bontlha bongwe jwa dinkgwe le ditlhapi go di fa batho. 42 Mme batho baa ja botlhe ba kgora!

43,44 Go ne go le banna ba ka nna dikete di le tlhano ka nako ya dijo, morago ga moo ditlatlana di le lesome le bobedi tsa tlala masalela a a neng a selwa fa fatshe mo bojannyeng!

Veja também