48 Mme a bona fa ba le mo matshwenyegong a magolo, ba hudua ka bothata le go kgaratlha kgatlhanong le phefo e e tsubutlang le makhubu a lewatle. Erile e ka ne e le nako ya boraro mo mosong a tsamaela kwa go bone mo godimo ga metsi. Mme ya re ekete o a ba feta, 49 ba bona sengwe se tsamaya tsamaya fa thoko ga bone ba goa ka letshogo, ba gopola fa e le sepoko, 50 gonne ba ne ba mmona botlhe. Mme a bua le bone a re, "Go siame, se boifeng! Ke nna." 51 Hong a palama mo mokorong, phefo ya didimala! Ba nna fela foo ba gakgametse.
Publicidade
Publicidade