11 Mme lwa re go siame fa motho a itlhokomolosa batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, a ba raya a re, ‘Lo intshwarele, ga nkake ka lo thusa! Gonne se ke neng ke tlaa se lo naya ke se ntsheditse Modimo.’ 12,13 Jalo lo roba molao wa Modimo go diragatsa ngwao ya lona e e dirilweng ke batho. Mme se ke sekai se le sengwe fela. Go na le tse dingwe di le dintsi thata."
14 Hong Jesu a bitsa bontsintsi jwa batho go tla go reetsa: A re, "A mongwe le mongwe wa lona a reetse, lo bo lo leke go tlhaloganya. 15,16 Mewa ya lona ga e senngwe ke se lo se jang, mme e senngwa ke se lo se akanyang le se lo se buang!"