Publicidade

Marcos 7

Kopo ya mosadi wa Mogerika

24 Mme a tswa a tloga mo Galalea a tsamaya a ya kwa kgaolong ya Ture le Sidona, mme a leka go go dira sephiri sa gore o ne a le teng koo, mme ga seka ga diragala. Gonne jaaka gale, dikgang tsa kgorogo ya gagwe di ne tsa anama ka bofefo.

25 Ka bonako ga tla mosadi kwa go ene yo ngwana wa gagwe o neng a na le mowa o o maswe, a utlwaletse kaga Jesu mme a tla a wela fa dinaong tsa gagwe, 26 mme a mo rapela gore a golole ngwana wa gagwe mo thateng ya taolo ya mowa o o maswe. (Mme a bo a le modichaba wa Se-Siria le Se-Fonishia yo o nyaditsweng!)

27 Mme Jesu a mo raya a re, "Pele ke tshwanetse go thusa bagaetsho Bajuta. Ga go a siama go tsaya dijo tsa bana o di latlhelela dintsa."

28 Hong mosadi a araba a re, "Go boammaaruri, Morena, le tsone dintsanyana kafa tlase ga lomati lwa bojelo di newa mafofora a a wang mo dijaneng tsa bana." 29 Mme a mo raya a re, "Go siame! O arabile sentle mo eleng gore ke fodisitse ngwana wa gago wa mosetsana. Tsamaya o ye gae, gonne mowa o o maswe o dule mo go ene!"

30 Mme e rile fa a tsena kwa gae, ngwana wa gagwe a bo a robetse ka tidimalo e kgolo mo bolaong, mme mowa o o maswe wa bo o tsamaile.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-