31 Mme go tswa kwa Ture a tsamaya a ya Sidona, a boela kwa lewatleng la Galalea ka tsela ya metse e le lesome. 32 Ga tlisiwa kwa go ene monna yo o neng a sa utlwe e le susu a bile a kwakwaetsa, mme botlhe ba kopa Jesu gore a beye diatla tsa gagwe mo monneng yoo go mo fodisa. 33 Jesu a mo ntsha mo bontsing jwa batho a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe a ama loleme lwa monna yoo. 34 Hong a leba kwa legodimong, a fegelwa mme a laola gore a "Kabologe!" 35 Ka bonako monna a simolola go utlwa sentle le go bua sentle ka tlhamalalo!
36 Mme Jesu a raya bontsi jwa batho a re ba seka ba bolelela ope, mme le fa a na a ba iditse jalo, bone ba ya ba bolela bogolo segolo. 37 Gonne ba ne ba gakgametse ka se se diragetseng. Gangwe le gape ba re, "Sengwe le sengwe se o se dirang ke se se gakgamatsang; o kgona gore ba ba susu ba utlwe le ba ba kwakwaetsang ba bue!"