6,7 Mme Jesu a araba a re, "Baitemokanyi ke lona! Isaia moporofiti o lo bonye sentle fa a re, ‘Batho ba ba bua sentle ka ga Morena mme ba sa mo rate ka boammaaruri. Kobamelo ya bone ke ya dinyana, gonne ba re Modimo o laola batho go obamela melao ya bone! Ruri Isaia o ne a le boammaaruri jang!’ 8 Gonne lo itlhokomolosa melao ya Modimo e e tlhomameng mme mo boemong jwa moo lo tshegeditse ngwao ya lona fela.
Publicidade