Pular para o conteúdo
Publicidade

Mareko 7

9 Ga re lo a tle lo gane melao ya Modimo fela lo bo lo e gataka ka dinao gore lo tle lo tshegetse ngwao ya lona. 10 Fela jaaka Moshe a lo neile molao o o tswang kwa Modimong; o o reng, Tlotla rrago le mmago!Mme a re le fa e le mang yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go swa. 11 Mme lwa re go siame fa motho a itlhokomolosa batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, a ba raya a re, Lo intshwarele, ga nkake ka lo thusa! Gonne se ke neng ke tlaa se lo naya ke se ntsheditse Modimo.12,13 Jalo lo roba molao wa Modimo go diragatsa ngwao ya lona e e dirilweng ke batho. Mme se ke sekai se le sengwe fela. Go na le tse dingwe di le dintsi thata."

Veja também