Publicidade

Marcos 9

17 Monna mongwe mo bontsing joo a bua a re, "Moruti, ke lerile morwaake mo go wena gore o mo fodise--ga a kgone go bua ka ntlha ya gore o tswenwe ke mowa o o maswe. 18 Mme fa mowa o o maswe o mo laola o mo digela fa fatshe o mo dira gore a phoke mafulo ka molomo a phuranye meno a kwatlalale. Mme ka kopa barutwa ba gago gore ba kgoromeletse ntle mowa o o maswe mme ba retelelwa."

19 Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, "Ao, a batho ba ba tumelo e potlana, ke tshwanetse go nna le lona lobaka lo lo kae mme lo sa dumele? Ke lobaka lo lo kae lo ke tshwanetseng go lo itshokela? Lereng mosimane kwa go nna."

20 Hong ba lere mosimane, mme erile fa a bona Jesu, mowa o o maswe wa mo kgothakgotha mo go botlhoko, mme a wela fa fatshe a bidikama a phoka mafulo ka molomo.

21 Jesu a botsa rraagwe a re, "Go lobaka lo lo kae a ntse jaana?" Rraagwe a araba a re, "a le mmotlana, 22 mme gantsi mowa o o maswe o dira gore a wele mo molelong kgotsa mo teng ga metsi go mmolaya. Ao, re utlwele botlhoko, o dire sengwe fa go kgonega."

23 Jesu a botsa a re, "A wa re fa ke kgona? Sengwe le sengwe se a kgonega fa o na le tumelo." 24 Ka bofefo rraagwe a araba a re, "Ke na le tumelo; Nthusa o e nkokeletse." 25 Erile fa Jesu a bona gore bontsi jwa batho bo a gola, a kgalemela mowa o o maswe. A raya mowa o o maswe o o semumu le bosusu, a re, "Ke a go laola gore o tswe mo ngwaneng yo, o seka wa tlhola o tsena mo go ene gape!"

26 Hong mowa o o maswe wa goa mo go boitshegang wa kgothakgotha mosimanyana gape mme wa mo tlogela; a robala a sa tshikinyege a bonala jaaka moswi. Modumonyana wa utlwala mo bathung o re, "O sule." 27 Jesu a mo tshwara ka seatla a mo thusa gore a eme ka maoto, mme a ema a itekanetse!

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-