18 A ke mabaka a boammaaruri a a amanang le botsalo jwa ga Jesu Keresete: Marea mmaagwe, o ne a beeletswe go nyalwa ke Josefa. Mme ya re a sa ntse a le kgarebana, a ithwala ga Mowa o o boitshepo. 19 Mme Josefa mmeeledi wa gagwe ka a le mosiami, a ikaelela go senya tsholofetso ka tidimalo ka a ne a sa rate go mmaa mo mpepeneneng go mo tlhabisa ditlhong.
20 Mme ya re a sa ntse a thantse a akanya ka ga selo se, a thulamela, a lora, mme a bona moengele a eme fa go ene a mo raya a re, "Josefa, morwa Dafide, se etsaetsege go tsaya Marea jaaka mosadi wa gago ka gore ngwana yo o mo rweleng o mo ithwele ka Mowa o o Boitshepo." 21 Mme o tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re Jesu (Ke gore "Mmoloki"). Ka gore o tlaa golola batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.