20 Mme ya re a sa ntse a thantse a akanya ka ga selo se, a thulamela, a lora, mme a bona moengele a eme fa go ene a mo raya a re, "Josefa, morwa Dafide, se etsaetsege go tsaya Marea jaaka mosadi wa gago ka gore ngwana yo o mo rweleng o mo ithwele ka Mowa o o Boitshepo." 21 Mme o tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re Jesu (Ke gore "Mmoloki"). Ka gore o tlaa golola batho ba gagwe mo dibeng tsa bone. 22 Mo go tlaa diragatsa molaetsa wa Modimo o o kileng wa anamisiwa ke baporofiti ba one, ba re, 23 "Reetsang! Kgarebana e tlaa ithwala ngwana! E tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa bidiwa ‘Imanuele’." (Ke gore "Modimo o na le rona") fa go tlhalosiwa. 24 Erile Josefa a tsoga, a dira jaaka moengele a mo laetse, a isa Maria gae go nna mosadi wa gagwe. 25 Mme a nna a ntse a le kgarebana go fitlhelela morwawe a tsholwa mme Josefa a mo raya leina a re "Jesu."
Publicidade