18 "Ee, lo tshwanetse go emela tshekiso fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me. Mo go tlaa lo neela lobaka lwa go ba bolelela ka ga me, ee, go supegetsa lefatshe.
19 "Fa lo tshwarwa, se tshwenyegeng gore lo tlaa reng mo tshekong, gonne lo tlaa newa mafoko a a tshwanetseng ka nako e e tshwanetseng.