Publicidade

Mateus 12

10 Mme teng koo a bona monna yo o golafetseng seatla. Bafarasai ba botsa Jesu ba re, "A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata?" (Tota ba ne ba solofetse gore o tlaa re, "Ee", gore ba tle ba mo tshware).

11 Hong Jesu a fetola a re; "Fa o ne o na le nku e le yosi fela, ya be e wela mo sedibeng go le Sabata, a o no o ka dira gore o e falotshe ka letsatsi leo? Ee tota o no o ka dira jalo. 12 Mme motho o tlhwatlhwa-kgolo thata jang go feta nku! Ee go siame go dira tshiamo ka Sabata!" 13 Mme a raya monna yoo a re, "Otlolola lebogo la gago." Mme ya re a le otlolola, seatla sa gagwe sa itekanela, fela jaaka se sengwe!

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-