Bafarasai ba batla go bona sesupo
38 Letsatsi lengwe baeteledipele ba Sejuta le Bafarasai bangwe, ba tla kwa go Jesu ba mo kopa go bona kgakgamatso go supa gore a ke ene Mesia tota.
39,40 Mme Jesu a fetola a re, "Sechaba se se bosula se se senang tumelo ke sone fela se ne se ka kopa bosupi bongwe gape; mme bope ga bo kitla bo dirwa fa e se fela se se neng sa diragalela moporofiti Jona! Gonne fela jaaka Jona a ne a le mo mpeng ya leruarua malatsi a le mararo le masigo a le mararo, jalo he, nna Morwa Motho, ke tlaa nna mo mpeng ya lefatshe malatsi a le mararo le masigo a le mararo.