Pular para o conteúdo
Publicidade

Mateus 13

12,13 A ba a ba tlhalosetsa a re, "Ka gore yo o nang le sengwe o tlaa okelediwa, o tlaa nna le go le go tona; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le bonnyenyane jo a nang najo. Ke sone se ke dirisang ditshwantsho tse ka sone, jalo he batho ba tlaa utlwa, ba bo ba bona, mme ga ba kitla ba tlhaloganya."

14 "Mo go diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, Ba a utlwa, mme ga ba tlhaloganye; ba a leba mme ga ba bone. 15 Gonne dipelo tsa bone di thata, ditsebe tsa bone di kabetse, mme ba ipuduladitse mo borokong.

Veja também