Pular para o conteúdo
Publicidade

Mateus 14

Jesu o fepa dikete di le tlhano

13 Mme erile fela fa Jesu a utlwa mafoko a, a tsamaya ka boene ka mokoro go ya kwa thoko go nna a le nosi. Mme bontsintsi jwa bona kwa o neng a ya teng, mme ba mo sala morago ka dinao ba tswa mo magaeng a mantsi.

14 Hong ya re Jesu a tswa mo nageng, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa bo bo mo letile mme a ba tlhomogela pelo a ba a fodisa balwetse.

15 Maitseboeng ao barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, "Lobaka lwa dijo lo setse lo fetile, mme ga gona sepe se se ka jewang fano mo sekakeng; phatlalatsa bontsintsi jwa batho gore ba ye mo magaeng ba reke dijo!"

16 Mme Jesu a fetola a re, "Mo ga go tlhokafale, ba feng dijo!"

17 Mme ba mo raya ba re, "Ga tweng! Re na le dinkgwe di le tlhano tse di nnye le ditlhapi di le pedi!"

18 Jesu a ba raya a re, "Di lereng kwano."

19 Hong a raya batho a re ba nne fa fatshe mo bojannyeng mme a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a leba kwa godimo mo loaping a kopela dijo tshegofatso ya Modimo, hong a ngathoganya dinkgwe a di neela barutwa ba gagwe go di abela batho. 20 Mme mongwe le mongwe a ja go fitlhelela a kgora! Mme erile ba sela masalela kwa morago, ga sala diroto di le lesome le bobedi tse di tletseng. 21 E ne e ka nna banna ba le dikete tse tlhano mo bontsintsing jwa batho tsatsing leo, kwa ntle ga basadi le bana.

Veja também