22 Ka bofefo morago ga moo, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re ba tsene mo mokorong go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha fa a sa ntse a phatlalaletsa batho kwa gae. 23,24 Morago ga moo a tlhatloga dithaba go ya go rapela. Bosigo jwa tla, mme kwa lecheng barutwa ba ne ba le mo matshwenyegong. Gonne phefo e ne e tsogile ba tshwere bothata mo mawatleng a a sa sisibalang.
25 Erile e ka nna nako ya bone mo mosong, Jesu a tla kwa go bone a tsamaya mo godimo ga metse. 26 Ba gowa ka letshogo gonne ba ne ba gopola gore ke sepoko.
27 Mme Jesu ka bofefo a bua nabo a ba nametsa. A re, "Ke nna se boifeng!"
28 Hong Petoro a mo fetola a re, "Rra, fa o le ene tota, nthaya ke tle kwa go wena ke tsamaya mo godimo ga metse."
29 Mme Morena a re, "Go siame, tla kwano." Hong Petoro a fologa mokoro a tsamaya fa godimo ga metsi a ya kwa go Jesu. 30 Mme erile fa a leba kwa godimo, a tshoga mme a simolola go nwela. A gowa a re, "Mpoloka Morena!"
31 Gone fela foo Jesu a otlolola lebogo a mmoloka. Jesu a re, "A motho wa tumelo e potlana, ke eng fa o no o belaela. 32 Mme fa ba sena go palama mo mokorong, phefo ya didimala?"
33 Ba bangwe ba nna ba tseanye, ba goa ba re, "O Morwa Modimo tota!"