21 Jesu a tloga foo, a tsamaya dimaele di le masome matlhano go ya Ture le Sidona. 22 Mosadi yo o tswang Kanana yo a neng a nna teng, a tla kwa go ene a kopa a re, "Nkutlwela botlhoko, Ao Morena, Morwa Kgosi Dafide! Gonne morwadiake o tsenywe ke mowa o o maswe o mo tlhokofatsa gangwe le gape."
23 Mme Jesu a seka a mo fetola le fa e le go bua lefoko lepe! Barutwa ba gagwe ba mo kopa ba re, "Mo reye a tsamaye, ka o re tshwenya ka go kopa ga gagwe."
24 Mme a raya mosadi a re, "Ke rometswe go thusa Bajuda e seng Badichaba."
25 Mme a tla a mo obamela a mo rapela gape a re, "Nthusa!"
26 Jesu a mo raya a re, "Ga go bonale go siame go tsaya dijo mo baneng o di latlhelela dintsa." 27 Mme mosadi a re, "Ee, mme go siame ka gore le dintsanyana ka fa tlase ga lomati lwa bojelo di letlelelwa go ja mahohora a a wang."
28 Mme Jesu a mo raya a re, "Mosadi, tumelo ya gago e kgolo, mme kopo ya gago e letleletswe." Mme Morwadie a fodisiwa gone fela foo!