Publicidade

Mateus 15

32 Mme Jesu a bitsa barutwa ba gagwe a re, "Ke tlhomogela batho ba pelo, ba ntse ba le fano le nna malatsi a le mararo jaanong, mme ga baa salelwa ke sepe go se ja; ga ke batle go ba phatlalatsa ba bolailwe ke tlala, kgotsa e ka re gongwe ba idibala mo tseleng."

33 Barutwa ba fetola ba re, "Mme re tlaa bona dijo tse di lekanyeng kae fano mo sekakeng gore batho ba botlhe ba je?"

34 Jesu a ba botsa a re, "Lo na le dijo di le kae?" ba fetola ba re, "Re na le dinkgwe di supa le ditlhatswana di se kae."

35 Hong Jesu a raya batho botlhe a re ba nne fa fatshe 36 mme Jesu a tsaya dinkgwe tse di supang le ditlhapi, a di lebogela, a di ngathoganya, a di neela barutwa ba gagwe gore ba di neele batho. 37,38 Mme botlhe ba a ja ba kgora, e le dikete di le nne tsa banna kwa ntle ga basadi le bana! moragonyana, fa masalela a kokoangwa, go ne ga tladiwa diroto di supa!

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-