Pular para o conteúdo
Publicidade

Mathaio 16

Go itlhokomela mo Bafarasaing

5 Erile ba sena go kgabaganya lecha, barutwa ba lemoga gore ba lebetse go tla le dijo.

6 Mme Jesu a ba tlhagisa a re, "Itlhokomeleng! Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai." 7 Ba gopola gore o na a bua jaana ka gore ba ne ba lebetse go tla le senkgwe.

8 Jesu a ba a itse se ba se akanyang mme a ba raya a re, batho ba tumelo potlana! Ke eng fa lo tshwenyegile jaana ka go tlhoka senkgwe? 9,10 A ga lo kitla lo tlhaloganya? A ga lo gakologelwe bontsi jwa batho bo le dikete tse ke di hephileng ka dinkgwe di le tlhano, le diroto tse di neng tsa tlogelwa di tletse masalela? A ga lo gakologelwe dikete tse nne tse ke di hephileng le gotlhe mo go neng ga sala? 11 Lo ka akanya jang gore ke ne ke bua ka dijo? Mme gape ka re, "Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai."

12 Hong kwa bofelong ba tlhaloganya gore ka sebidisoo na a raya thuto e e sa siamang ya Bafarasai le Basadukai.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.

Veja também