Jesu mo kgalalelong
1 Mme erile morago ga malatsi a le marataro Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane monnawe go tlhatlogela kwa setlhoweng sa thaba e e godileng e e kwa thoko.
2 Mme erile ba etse tlhoko, ponalo ya gagwe ya fetoga mo e leng gore sefatlhego sa gagwe se ne sa phatshima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna bosweu jo bo fatlhang.
3 Ka tshoganetso ga bonala Moshe le Elija ba bua nae.
4 Petere a bua ka tshoganetso a re, "Morena, go molemo gore re be re le fano. Fa o rata, ke tlaa aga metlaagana e le meraro o mongwe e le wa gago, o mongwe e nne wa ga Moshe, o mongwe e nne wa ga Elija."
5 Mme erile a sa bua jalo, leru le le sedifetseng la tla fa godimo ga bone, mme lentswe le le tswang mo lerung la re, "Yo ke morwaake yo o rategang, mme ke itumela thata mo go ene. Mo utlweng."