Publicidade

Mateus 17

14 Erile ba goroga kwa tlase ga thaba, bontsintsi jo bogolo jwa bo bo ba letile. Monna mongwe a tla a khubamela Jesu a re, 15 "Morena, utlwela morwaake botlhoko, ka gore o tlhakatlhakanye tlhaloganyo, re mo bothatengjo bogolo, ka gore o a tle a wele mo molelong kgotsa mo metsing. 16 Jalo ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa."

17 Jesu a fetola a re, "Ao batho ke lona ba ba ditlhogo di thata ba ba senang tumelo! Ke tlaa nna le lona boleele bo le kae? Mo lereng kwano go nna." 18 Hong Jesu a kgalemela mowa o o maswe o o mo mosimaneng mme wa tswa mo go ene, mme go simolola ka lobaka loo mosimane a fola.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-