Publicidade

Mateus 17

Jesu o duela lekgetho

24 Mo kgorogong ya bone kwa Kaperanama, baphuthi ba lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba mmotsa ba re, "A mong wa lona ga a duele lekgetho?"

25 Petere a araba a re, "Ee, o a le duela." Hong a tsena mo ntlung go bolelela Jesu ka potso ya makgetho, mme e rile pele ga a ka bua, Jesu a mmotsa a re, "O akanyang Petere? A dikgosi di phutha makgetho mo bathung ba tsone, kgotsa mo go batswakwa ba ba fentsweng?"

26,27 Mme Petere a fetola a re, "Mo go batswakwa." Jalo he, Jesu a re, "Go siame." "Beng-ba legae ba gololesegile! Le fa go ntse jalo, ga re batle go ba kgopisa, jalo fologela kwa lotshitshing o konopele sekgoge (huku e e tshwarang ditlhapi), o atlhamolole molomo wa tlhapi ya ntlha e o e tshwarang. O tlaa bona ledi le le tlaa lekanang makgetho a rona rotlhe; le tseye mme o ba duele!"

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-