Pular para o conteúdo
Publicidade

Mathaio 18:1-5,10

Yo o tlaa nnang mogolo kwa legodimong

1 Mme erile ka nako eo barutwa ba tla kwa go Jesu go mmotsa gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo mo Bogosing jwa Legodimo. 2 Jesu a bitsa ngwana yo monnyennyane a mmaya fa fatshe fa gare ga bone, 3 mme a re, "Fa e se fela lo boela Modimong lo latlha dibe tsa lona lo bo lo nna jaaka bana ba bannyennyane, ga lo kitla lo tsena mo Bogosing jwa Legodimo. 4 Jalo he, le fa e le mang yo o ingotlang jaaka ngwananyana yo monnyennyane yo, o mogolo bogolo mo Bogosing jwa Legodimo. 5 Mme le fa e le mang mo go lona yo o tsholang ngwananyana yo monnyennyane jaaka yo, ka ntlha ya gore lo ba me, o tshola nna ebile o a ntlhokomela.

Setshwantsho ka nku e e timetseng

10 "Itiseng gore lo seka lwa lebela ope wa bananyana ba ba nnyennyane ba kwa tlase. Gonne ke lo bolelela gore kwa legodimong baengele ba bone ba fa pele ga ga Rre ka metlha yotlhe.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.