Pular para o conteúdo
Publicidade

Mateus 18

Monna yo o setlhogo

21 Mme ga tla Petere a mmotsa a re, "Morena, ke tshwanetse go itshwarela wa gaetsho ga kae fa a nteofela? Ga supa?"

22 Mme Jesu a fetola a re, "Nnyaa, masome a supa a ntsifaditshwe ga supa!

23 "Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa le Kgosi e e neng e ikaeletse go gakolola batho go mo duela melato ya bone. 24 Fa go ntse go tsweletswe, mongwe wa ba ba nang le molato nae yo e neng a mo kolota didikadike di le lesome tsa dipula! (P10,000,000) a tlisiswa kwa go ene. 25 A se ka a kgona go duela, jalo Kgosi ya laola gore a rekisiwe ka ntlha ya sekoloto le mosadi wa gagwe le banna le sengwe le sengwe se a neng a na naso.

26 "Mme monna a wela fa fatshe fa pele ga kgosi ka sefatlhogo a re, Ao Morena, nna pelotelele mo go nna mme ke tlaa duela sekoloto sotlhe.

27 "Mme kgosi ya mo utlwela botlhoko mme ya mo golola ya mo itshwarela molato.

28 "Mme erile fa monna a tlogela kgosi a ya kwa monneng yo o mo kolotang dipula di le dikete tse pedi, a mo tshwara ka mometso a batla tuelo ya gagwe ka nako eo.

29 "Monna a wela fa fatshe fa pele ga gagwe mme a mo kopa go mo fa lobakanyana. A mo rapela a re nna pelotelele mme ke tlaa duela. 30 Mme yo o kolotwang a se ka a dumela go mo letela. A laola gore a tshwarwe a ba a tlhatlhelwe mo tlung ya kgolegelo go fitlhelela molato o duelwa otlhe.

31 "Mme ditsala tsa monna yo o mo tlung ya kgolegelo tsa ya kgosing go e bolelela se se diragetseng. 32 Mme kgosi ya bitsa monna yo e neng e mo itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang ya re, Molotsana ke wena yo o pelo e maswe! Ke go itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang, fela ka ntlha ya gore o nkopile, 33 a ga o a tshwanela go nna le kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe, fela jaaka ke ne ka nna le kutlwelobotlhoko mo go wena?34 Mme kgosi e e kgopegileng ya romela monna yo kwa tlung ya kgolegelo go fitlhelela a duela thebe ya bofelo ya madi a a a kolotang. 35 Mme Rara wa legodimo o tlaa lo direla fela jalo fa lo gana go itshwarela bangwe ka-lona ka boammaaruri."

Veja também