Pular para o conteúdo
Publicidade

Mateus 2

3 Kgosi Herode o ne a tshwenyega thata ka potso ya bone, le batho botlhe ba motse wa Jerusalema ba ne ba tlala khuduego. 4 A bitsa phuthego ya baeteledipele ba tumelo ya Sejuda, a ba botsa a re, "A baporofiti ba kile ba re bolelela kwa Mesia o tsalelwang teng?"

5 Mme ba mo araba ba re, "Ee, mo Bethelehema, ka gore mo ke mo moporofiti Mika o go kwadileng a re, 6 Wena motsana wa Bethelehema, ga o legae la Juda le le nyatsegang, gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi yo o busang batho ba me ba Iseraele.’ "

7 Hong Herode a romela molaetsa ka sephiri kwa baleping ba dinaledi, a ba kopa gore ba tle go mmona, e rile mo phuthegong e, a ba tlhotlhomisa go mmolelela nako tota e ba simolotseng go bona naledi ka yone. Mme a ba raya a re 8 "Tsamayang lo yeng kwa Bethelehema lo fete lo senke ngwana. E re lo sena go mmona lo boele kwano go nkitsise gore le nna ke tle ke ye go mo obamela."

Veja também