Setshwantsho ka badiri mo tshimong
1 Setshwantsho sengwe ke se se se tshwantshang Bogosi jwa Legodimo. "Mong wa tshimo o kile a phakela go ya go thapela tshimo ya gagwe ya thobo badiri. 2 A dumalana go ba duela madi a tuelo ya letsatsi, hong a ba laela go ya go dira.
3 "Morago ga dioura di se kae, o na a feta fa ntlong e go thapelwang batho teng mme a bona banna bangwe ba eme foo ba batla tiro, 4 jalo le bone a ba romela mo masimong a gagwe, a ba bolelela gore o tlaa ba duela fela se se ba tshwanetseng fa letsatsi le phirima. 5 Mo motshegareng wa sethoboloko, le mo tshokologong e ka nna nako ya boraro a nna a tswelela ka go thapa badiri.
6 "Ka nako ya botlhano mo go one maitseboa ao, a ya kwa motseng gape, mme a bona banna ba bangwe gape ba eme teng foo mme a ba botsa a re, ‘Ke eng fa lo ntse fela lo sa dire sepe letsatsi lotlhe?’ 7 Ba araba ba re, ‘Ke ka gore ga go ope yo o re thapileng’. Hong a ba raya a re, ‘tsamayang lo ye go tlatsa ba bangwe mo masimong a me.’
8 "Mo maitseboeng ao a raya radituelo wa gagwe a re a bitse banna bao a ba duele, a simolola pele ka banna ba bofelo. 9 E rile fa banna ba ba thapilweng ka nako ya botlhano ba duelwa mongwe le mongwe wa bone o na a amogela madi a tuelo ya letsatsi. 10 E rile fa banna ba ba thapilweng pele ba tla go tsaya a bone, ba ne ba ithaya ba re ba tlaa amogela go feta foo thata. Le bone ba ne ba duelwa madi a lekanang le a ba bangwe.
11,12 "Ba ngongorega ba re, ‘Batho bale ba dirile lobaka lwa oura fela, le fa go ntse jalo a oba duetse jaaka rona ba re dirileng letsatsi lotlhe mo mogoteng o o fisang’.
13 "Mme a araba mongwe wa bone aa re ‘Tsala, ga ke a go fosetsa ka gope! A o ne o sa dumalana go dira o duelwa tuelo ya letsatsi? 14 A tseye o tsamaye. Ke keletso ya me go lo duela ka go lekana; 15 a go kgatlhanong le molao go ntsha madi a me fa ke batla go dira jalo? A o tshwanetse go kgotswa ka go bo ke le kutlwelobotlhoko?’ 16 Mme fela jalo, ba morago e tlaa nna ba ntlha, ba ntlha e tlaa nna ba morago."