Pular para o conteúdo
Publicidade

Mathaio 20

Kopo ya mosadi wa ga Sebede

20 Hong mmaagwe Jakobe le Johane bomorwa Sebede, a ba lere kwa go Jesu, a obama, a kopa thuso.

21 Jesu a mmotsa a re "O batla ke go direlang?" Mme a fetola a re, "Mo Bogosing jwa gago, a o tlaa letla bomorwaake ba babedi go nna mo ditilong tse pedi go bapa le sa gago, yo mongwe ka fa letsogong la gago le legolo yo mongwe ka fa go la molema?"

22 Mme Jesu a mo fetola a re, "Ga o itse se o se lopang!" Mme a retologela kwa go Jakobe le Johane a ba botsa a re, "A lo nonofile go nwa mo senwelong se se boitshegang se ke tlaa tlogang kee nwa mo go sone?" Jalo ba fetola ba re, "Ee, re nonofile."

23 Mme a ba fetola a re, "Lo tlaa nwa mo go sone ruri. Mme ga ke na thata go bua gore ke mang yo o tlaa nnang mo ditilong go bapa le same. Maemo ao a beetswe batho ba Rre a ba tlhophang".

Veja também