Jesu o foufolola difofu tse pedi
29 E rile Jesu le barutwa ba tswa mo motseng wa Jeriko, bontsintsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago.
30 Banna ba le babedi ba difofu ba ne ba ntse fa thoko ga tsela mme e rile fa ba utlwa gore Jesu o e tla ba simolola go goa ba re, "Morena, Morwa Dafide, re utlwele botlhoko!"
31 Bontsintsi jwa batho jwa ba raya jwa re ba didimale, mme ba goela godimo go gaisa pele.
32,33 E rile a tla fa difofu di neng di le teng a ema mo tseleng a botsa a re, "Lo batla ke lo direlang?" Mme ba fetola ba re, "Morena re batla go bona!"
34 Jesu a ba utlwela botlhoko a ama matlho a bone. Mme ya re gone fela foo ba foufologa, ba mo sala morago.