O amogelwa ka megolokwane kwa Jerusalema
1 Mme ya re Jesu le barutwa ba atamela Jerusalema, ba le gaufi le motse wa Bethefage mo Thoteng ya Lotlhware, Jesu a roma bangwe ba barutwa ba gagwe ba le bebedi mo motsaneng o o fa pele.
2 A ba raya a re, "E tlaa re fela fa lo tsena teng lo tlaa bona tonki e golegilwe le tonkana ya yone e le fa thoko ga yone. Lo bo lo di golola lo di lere kwano. 3 Fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena o a di batla’, mme ga go na go nna matshwenyego ape."
4 Se se ne se dirwa go diragatsa seporofeso sa bogologolo se se reng, 5 "Bolelela Jesusalema gore Kgosi ya gagwe e tla kwa go ene, ka bonolo e palame tonkana."
6 Barutwa ba babedi ba dira ka fa Jesu a neng a ba boleletse, ka teng, 7 ba lere tonki le tonkana kwa go ene, ba pega diaparo tsa bone mo godimo ga tonkana gore a nne mo godimo ga tsone. 8 Mme ba bangwe mo bontsintsing jwa batho ba ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, ba bangwe ba kgetla dikala tsa ditlhare ba di ala fa pele ga gagwe.
9 Hong bontsi jwa batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba kwa morago ba goa ba re, "Modimo segofatsa Morwa Kgosi Dafide! Mo galaletse mo segofatse, Morena A go bakwe Modimo mogodimodimo!"
10 Motse otlhe wa Jerusalema o ne wa huduega fa a tsena. Ba botsa ba re, ke mang yo?
11 Mme bontsintsi jwa batho jwa fetola jwa re, "Jesu Moporofiti yo o tswang Nasaretha wa Galalea."