15 Mme ya re baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba bona dikgakgamatso tse di ntle tse ba bile ba utlwa le bananyana ba goa mo tempeleng ba re, "Modimo segofatsa Morwa Dafide," ba ne ba se ka ba itumela ba gakala ba mmotsa ba re, "A o utlwa se bana ba ba se buang?"
16 Jesu a fetola a re, "Ee, a ga lo ise lo ke lo bale dikwalo? Gonne tsa re, ‘Le bananyana tota ba tlaa mo galaletsa!’ "