Pular para o conteúdo
Publicidade

Mathaio 22

Nyalano le go tsoga ga baswi

23 Mme ka letsatsi leo bangwe ba Basadukai, ba ba reng ga go na tsogo ya baswi morago ga loso, ba tla kwa go ene mme ba mmotsa ba re 24 "Morena, Moshe o rile fa motho a a swa a sena bana, monnawe a nyale motlholagadi yoo, mme bana ba bone ba tlaa ja boswa. 25 Go kile ga bo go na le monna mongwe mo motseng wa rona a na le bana ba basimane ba supa. Mme wa ntlha a nyala mme a swa a sena bana, jalo motlholagadi wa gagwe a nna mosadi wa ga monnawe yo o mo tlhomaganelang. 26 Mme le ene monnawe yo, a swa a sena bana, mme mosadi a nyalwa ke monnawe yo mongwe. Ga direga fela jalo go fitlhelela a nna mosadi wa mongwe le mongwe wa bone ka bosupa! 27 Mme mosadi le ene a swa. 28 Jalo o tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi? Gonne e ne e le mosadi wa bone ka bosupa."

29 Mme Jesu a re, "Phoso ya lona e dirwa ke bosenakitso jwa lona jwa go tlhoka go itse dikwalo le nonofo ya Modimo. 30 Gonne mo tsogong ya baswi ga go na lenyalo; mongwe le mongwe o tshwana le baengele mo legodimong. 31 Mme jaanong, fa e le gore go na le tsogo ya baswi, a ga lo ke lo bala dikwalo? A ga lo lemoge gore Modimo o ne o bua le lona fa o re, 32 Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!Jalo Modimo ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi."

33 Bontsintsi jwa batho jwa itumedisiwa thata ke dikarabo tsa gagwe.

Veja também