23 "Hong fa mongwe a lo raya a re ‘Mesia o gorogile kwa lefelong lengwe, kgotsa o bonetse fano kgotsa fale, kgotsa mo motseng o kgotsa ole,’ se dumeleng. 24 Gonne go tlaa nna teng Bo-Kereste ba le bantsi ba eseng bone, le baporofiti ba eseng bone, ba tlaa dira dikgakgamatso, gore e re fa go no go ka kgonega, le e leng ba ba itlhophetsweng ke Modimo tota ba tsiediwe. 25 Bonang, ke lo tlhagisitse.
26 "Mme ke gone fa mongwe a lo raya a re Mesia o boile mme o ile kwa sekakeng, lo se ka lwa eletsa go tsamaya lo ya go bona, kgotsa, gore o iphitlhile golo gongwe, se dumeleng!