Publicidade

Mateus 24

37,38 "Lefatshe le tlaa bo le iketlile, le le mo tlhapeding ya meletlo batho ba a ja ba a nwa, ba nyala ba nyadisa, jaaka go ne go ntse ka nako ya ga Noa pele ga go tla ga tshoganetso ga morwalela. 39 Batho ba ne ba sa dumele se se neng se ya go diragala go fitlhelela morwalela o tla o ba phaila botlhe. Jalo go tla ga me go tlaa nna fela jalo.

40 "Banna ba le babedi ba tlaa bo ba dira mo masimong, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwa. 41 Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira tiro ya bone ya lolwapa, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-29_22-07-56-