45 "A o motlhanka yo o botlhale yo o ikanyegang wa Morena? a ke go neetse tironyana ya go laola ba ntlo ya me, go fepa bongwanake letsatsi le letsatsi? 46 O sego fa e ka re ke boa ka fitlhela o dira tiro ya gago ka go ikanyega. 47 Ke tlaa dira ba ba ikanyegang jalo balaodi ba sengwe le sengwe se ke nang naso. 48 Mme fa o le bosula o bo o ithaya o re, ‘Morena wa me ga a na go tla ka bofefo,’ 49 o bo o simolola go gatelela batlhanka ka wena, o o ja o nwa o tagwa. 50 Morena wa gago o tlaa goroga a sa anamisiwa e bile a sa solofelwa,
51 "Mme a ba a go kgwathisa thata a go lelekela katlholong ya baitimokanyi; kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno teng."