1 "Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwants-hiwa ka polelo ya makgarebana a a some a a neng a tsaya dipone tsa one a ya go kgatlhantsha monyadi. 2-4 Mme ba le batlhano fela ba bone ba ne ba nna botlhale go tlatsa dipone tsa bone lookwane, fa ba bangwe ba batlhano ba ne ba dira boeleele ba lebala go dira jalo.
5,6 "Mme ya re monyadi a diega, ba nna fa fatshe go itapolosa go fitlhelela bosigogare fa ba thantshiwa ke mokgosi o o reng, ‘Monyadi o e tla! Tswelang kwa ntle lo mo amogeleng.’
7,8 "Basetsana botlhe ba phaphama ba baakanya dipone tsa bone. Mme, ba batlhano ba ba neng ba sena lookwane ba kopa ba bangwe go ba thelela lookwane gonne dipone tsa bone di ne di tima.
9 "Mme ba bangwe ba fetola ba re, ‘ga re na lookwane lo lo lekanyeng. Tsamayang lo ye kwa mabentleleng lo ye go ithekela.’
10 "Mme ya re ba sa ntse ba tsamaile monyadi a goroga mme ba ba neng ba ipaakantse ba tsena nae mo modirong wa lenyalo, mme kgoro ya tswalwa. 11 Morago fa ba bangwe ba batlhano ba boa, ba nna kwa ntle ba bitsa ba re, ‘Morena Morena, re bulele!’
12 "Mme a fetola a re ‘Tsamayang! nako e setse e fetile!’
13 "Jalo nnang lo itisitse lo ipaakantse, gonne ga lo itse letsatsi kgotsa lobaka lwa go boa ga me."