Pular para o conteúdo
Publicidade

Mateus 25

Madi a a neetsweng badiri go a atisa

14 "Gape, Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa ka polelo ya monna yo o kileng a ya kwa lefatshing lengwe, yo o neng a bitsa batlhanka ba gagwe mme a ba neela madi go a mo atisetsa a sa ntse a seyo. 15 A neela wa ntlha madi a selekanyo sa ditalenta di le tlhano, yo mongwe a mo neela ditalenta di le pedi, mme wa bofelo a mo neela talenta e le nngwe fela, a a kgaoganya ka fa nonofong ya bone, mme hong a simolola loeto lwa gagwe.

16 "Monna yo o amogetseng ditalenta di le tlhano a simolola go reka a rekisa mme a dira lesome. 17 Monna yo o tshotseng ditalenta tse pedi a tlhamalalela kwa tirong, le ene a dira ditalenta tse pedi tse dingwe.

18 "Mme monna yo o amogetseng talenta e le nngwe a e epela mosima a e fitlha mo teng gore e bolokesege. 19 Morago ga nako e telele monnga-bone a boa mo loetong lwa gagwe, mme a ba biletsa kwa go ene go arabela madi a gagwe. 20 Monna yo o neng a mo neetse ditalenta di le tlhano a mo neela ditalenta di le some. 21 Monngagwe a mo akgolela tiro e ntle eo. A mo raya a re o ikanyegile mo go bolokeng bonnyennyane jo, jalo he ke tlaa go naya thata mo dilong di le dintsi. Tla o tlhakanele le nna boitumelo jwa me."

22 "Lwa bobedi ga tla monna yo a neng a amogetse ditalenta di le pedi ka polelo e e reng, Morena, o nneetse ditalenta di le pedi go di dirisa, mme ke menagantse gabedi.

23 "Monngagwe a mo raya a re, O dirile tiro e ntle, O motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang. O ntse o ikanyega mo go bolokeng bonnyennyane jo, mme jaanong ke go neela go le gontsi.24,25 Hong monna yo o tshotseng talenta e le nngwe a tla mme a re, Morena ke go itse o le motho yo o pelo e thata, mme ke ne ka tshaba gore o tlaa ntseela se ke se boneng ka go atisa madi, jalo ka fitlha madi a gago mo mmung, mme ke a!26 Mme monngagwe a fetola a re, Motlhanka yo o bosula! Lekgoba le le setshwakga! Ka o no o itse ke tlaa batla ga mofufutso wa phatla ya gago, 27 O ka bo bogolo o ne wa baya madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso wa one 28 Tsayang madi a mo monneng yo lo a neele monna yo o nang le ditalenta di le some. 29 Gonne motho yo o dirisang se a se neetsweng sentle o tlaa neelwa go le go tona, mme o tlaa nna le letlotlo, mme motho yo o sa ikanyegeng, le e leng tshwanelo e potlana e a nang nayo e tlaa tsewa mo go ene. 30 Mme fa e le motlhanka yo o senang molemo yo o tlaa latlhelwa kwa ntle mo lefifing kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno.

Veja também