1 Mme e rile Jesu a sena go fetsa puo e le barutwa ba gagwe a ba raya a re,
2 "Jaaka lo itse, gore modiro wa Tlolaganyo o simologa mo malatsing a mabedi a a tlang, ke tlaa okwa ke be ke bapolwa."
3 Ka lone lobaka loo ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba bangwe ba Sejuda ba phuthegela kwa kgotleng ya ga Kaiafase moperesiti yo mogolo, 4 go gakololana ka maano a go tshwara Jesu ka bokukuntshwane go mmolaya. 5 Mme ba dumalana ba re, "Eseng ka modiro wa Tlolaganyo, gonne go ka tsoga pheretlhego."
Jesu o tlodiwa lookwane
6 Foo Jesu a tswela kwa Bethania, kwa legaeng la ga Simone wa molepero. 7 Mme ya re Jesu a sa ntse a a ja ga tla mosadi mongwe a tshotse lebotlolo la setlolo se se tlhwatlhwa kgolo, mme a se tshela mo tlhogong ya gagwe.
8,9 Barutwa ba ne ba gakatsega ba re, "A tshenyo ya madi a magolo! O ka bo a se rekisitse madi a mantsi mme a a abela bahumanegi."
10 Jesu a itse se ba se akanyang, mme a re, "Ke eng fa lo mo tshwaya phoso? Gonne o ntiretse tiro e ntle thata. 11 Lo tlaa aga lo na le bahumanegi, mme ga lo na go nna le nna ka malatsi otlhe. 12 O tshetse setlolo se mo go nna go baakanyetsa mmele wa me go fitlhwa. 13 Mme o tlaa aga a gopolwa ka tiro e. Polelo ya se a se dirileng e tlaa bolelwa mo lefatshing lotlhe, gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang teng."
Judase o rulaganya go oka Jesu
14 Judase Isekariota, mongwe wa baaposetoloi ba ba some le bobedi a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti, 15 mme a botsa a re, "Lo tlaa ntuela bokae go tsenya Jesu mo diatleng tsa lona?" Mme ba mo naya dipapetlana tsa selefera di le masome mararo. 16 Mme go simologa ka lobaka loo, Judase a batla lebaka le le siameng la go ba okela Jesu.
Selalelo sa Bofelo
17 Mo letsatsing la ntlha la mediro ya Tlolaganyo, fa senkgwe se se sa bidisi wang se se, tswang mo malapeng a a farologaneng a Sejuda se jewa, barutwa ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, "Re baakanyetsa go jela Moletlo wa Tlolaganyo kae?"
18 A fetola a re, "Tsenang mo motseng lo fete lo bone rre semangmang, mme lo mo reye lo re, ‘Monnga rona a re, nako yame e gorogile mme ke tlaa jela dijo tsa Moletlo wa Tlolaganyo le barutwa ba me kwa tlong ya gago.’" 19 Jalo barutwa ba dira jaaka a ba boleletse, mme ba baakanya dijo teng.
20,21 Mme ya re mo maabanyaneng ao fa a sa ntse a a ja le ba ba some le bobedi, a bua a re "Mongwe wa lona o tlaa nkoka."
22 Mme ba futsafala thata, mme mongwe le mongwe wa bone a botsa a re, "A ke nna?"
23 A fetola a re, "Ke yo ke mo fileng sejo pele. 24 Gonne ke tshwanetse go swa fela jaaka go porofitilwe, mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo thata fa yoo a ka bo a na a seka a tsalwa."
25 Judase le ene, o ne a mmotsa a re, "Moruti, a ke nna?" Mme Jesu a mo raya a re, "Ke wena."
26 Ya re ba sa ja, Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa, a se ngathoganya a se neela barutwa a re, "Tsayang lo je gonne se ke mmele wa me."
27 Gape a tsaya senwelo sa mofine a se segofatsa, a se ba neela a re, "Mongwe le mongwe a nwe, 28 gonne se ke madi ame, a a kanelang Kgolagano e Ncha. A tshololelwa go itshwarela dibe tsa bontsintsi jwa batho.